...

Gae - Microsoft

by user

on
Category: Documents
27

views

Report

Comments

Transcript

Gae - Microsoft
®
Microsoft Office
Word 2007 Katiso
Dira ka tsela e e tshwanetseng
Diteng tsa khoso
• Kakaretsi: A o utlwile lefoko?
• Thuto 1: Itse ka ga Ribone
• Thuto 2: Bona ditaelo tsa letsatsi le letsatsi
• Thuto 3: Manaane a a sa raraanang
Dithuto tsa ntlha tse pedi di akaretsa lenaane la ditiro tse di
akantshiwang, mme tsotlhe di akaretsa setlhopha sa
dipotso tsa tlhatlhobo.
Kakaretsi: A o utlwile lefoko?
Word 2007 e ntshitswe. Khoso e e tla
go thusa go dira ka tsela e e
tshwanetseng.
O tla ithuta tsela ya go tlhama
ditokumente tse dikgolo, tse di
lebegang e le tsa boitseanape le tse di
tla kgatlhang ditsala tsa gago le
badirimmogo le wena.
Maikaelelo a khoso eno
• Dirisa Ribone — popego e ntšhwa e e dirang gore Word e
nne bonolo go feta le fa e le leng pele.
• Bona ditaelo tsa letsatsi le letsatsi, tse di tlwaelegileng tse
o di tlhokang go dira tiro ya gago.
Thuto 1
Itse ka ga Ribone
Itse ka ga Ribone
Gae
Fonto
Temana
Ribone e tlisa ditaelo tse di tlwaelegileng thata fa pele,
jalo ga o tlhoke go batla mo dikarolong tse dintsi tsa
porokeramo o batla dilo tsotlhe tse o di dirang nako le
nako.
Seno se tla dira gore tiro ya gago e nne bonolo le gore
e dire ka bofefo.
Fa o bula Word 2007,
selo sa ntlha se o tla
se bonang ke Ribone,
sebaka se se
tsamayang kwa
godimo ga Word.
Dirisa Ribone go dira ditiro tse di tlwaelegileng
Gae
Kgomaret
sa
Fonto
Temana
Ka sekai, o ka kgaola le go kgomaretsa mafoko ka go
dirisa ditaelo mo thebong ya Gae; fetola fomete ya
mafoko ka go dirisa Setaele; mme o fetole mmala wa
lemorago la tsebe mo thebong ya Boalo jwa Tsebe.
Ribone e tlhofofatsa
tiriso le go nolofatsa
dilo, mo ditiro tsotlhe
tse di tlwaelegileng di
bontshiwang mo
lefelong le le lengwe
fela.
Ke eng se se mo Riboneng?
Gae
Fonto
Temana
Go tlwaelana le
dikarolo tse tharo tsa
Ribone go tla go thusa
gore o tlhaloganye
gore e dirisiwa jang.
Ke dithebo, ditlhopha
le ditaelo.
1
Dithebo: Ribone e na le tse supa tsa motheo go kgabaganya kwa godimo.
Nngwe le nngwe ya tsone e emela lefelo la tiro.
2
Ditlhopha: Thebo nngwe le nngwe e na le ditlhopha di le mmalwa tse di
bontshang dintlha tse di tsamaisanang mmogo.
3
Ditaelo: Taelo ke konopo, menu, kgotsa lebokoso le o ka tsenyang
tshedimosetso mo go lone.
Disimolodise tsa Lebokoso la Puisano mo ditlhopheng
Gae
Fonto
Temana
Fonto
Fonto
Sebaka fa Gare ga Ditlhaka
Ditlhopha dingwe di na le motsu o monnye o o tshekaganyang mo sekhutlong se se
kwa tlase ka fa mojeng se se bidiwang Sesimolodisi sa Lebokoso la Puisano .
E tobetse go bona diitlhophelwa tse dingwe gape tse di tsamaisanang le
setlhopha seo. Di tla bonala mo lebokosong la tebego le le tlwaelegileng la
puisano kgotsa lebokoswana la tiro le o tla le lemogang go tswa mofuteng wa
pele wa Word.
Go tlhagelela dithebo tse dingwe gape
Didirisiwa tsa
Setshwantsho
Fomete
Popego ya Setshwantsho
Legora la Setshwantsho
Difeleletsi tsa Setshwantsho
Ditaele tsa Setshwantsho
A re re o tsenya setshwantsho mme o batla go dira tse
dingwe gape ka sone, tse di tshwanang le go se ngotla
kgotsa go fetola ka fa mafoko a se dikologileng ka teng.
Ditaelo tseo di bonwa kae?
Dithebo dingwe di
bonala fela fa o di
batla.
Go tlhagelela dithebo tse dingwe gape
Didirisiwa tsa
Setshwantsho
Gae
Fomete
Popego ya Setshwantsho
Legora la Setshwantsho
Dithebo dingwe di
bonala fela fa o di
batla.
Difeleletsi tsa Setshwantsho
Ditaele tsa Setshwantsho
Ga o tlhoke go di tsoma. Go na le moo:
1
Tlhopha setshwantsho.
2
Go bonala Didirisiwa tsa Setshwantsho. Tobetsa thebo ya Fomete.
3
Go bonala ditlhopha le ditaelo tse dingwe le ditaelo go dirisa ditshwantsho,
tse di tshwanang le setlhopha sa Ditaele tsa Setshwantsho.
Barasedirisiwa se Sennye
Boalo jwa Tsebe
A23B
A re re o batla go fometa mafoko mangwe ka bofefo,
mme o dira mo thebong ya Boalo jwa Tsebe.
O ka nna wa tobetsa thebo ya Gae go bona
diitlhophelwa tsa go fometa, mme go na le tsela e e
bofefo thata.
Ditaelo dingwe tsa go
fometa di mosola fela
thata mo o batlang
gore di bonale go sa
kgathalasege se o se
dirang.
Barasedirisiwa se Sennye
Boalo jwa Tsebe
Ditaelo dingwe tsa go
fometa di mosola fela
thata mo o batlang
gore di bonale go sa
kgathalasege se o se
dirang.
A23B
1
Tlhopha mafoko a gago ka go goga ka peba ya gago,
mme morago o supe se o se tlhophileng.
2
Baradidirisiwa e Nnye e tla bonala e fifetse. Fa o supa
baradidirisiwa e Nnye, e tla bonala ka botlalo, mme o ka
tobetsa itlhophelo ya go fometa mo go yone.
Baradidirisiwa ya Tiriso ya ka Bofefo
Gae
Tsenya mo Baradidirisiweng ya Tiriso ya ka Bofefo
Tshwanedisa Baradidirisiwa ya Tiriso ya ka Bofefo...
Bontsha Baradidirisiwa ya Tiriso ya ka Bofefo ka fa tlase ga Ribone
Ngotla Ribone
Setshwantsho se bontsha ka fa o ka tsenyang ka gone
ditaelo tsa gago tse o di ratang tsa Baradidirisiwa ya
Tiriso ya ka Bofefo gore di nne teng go sa kgathalasege
thebo e o leng mo go yone.
Gape o ka tlosa dikonopo mo Baradidirisiweng tsa
Tiriso ya ka Bofefo.
Baradidirisiwa ya Tiriso
ya ka Bofefo ke lefelo le
lennye le le kwa godimo
ka fa molemeng wa
Ribone.
E na le dilo tse o di
dirisang gantsintsi tsatsi
le letsatsi: Boloka,
Dirolola, le Boeletsa.
Dikakantsho tsa go ikatisa
1. Dirisa Ribone.
2. Dira gore dithebo tse dingwe di bonale, o bo o tsenye setshwantsho mme
o dirise Didirisiwa tsa Setshwantsho.
3. Dirisa baradidirisiwa tse Dinnye.
4. Dirisa Baradidirisiwa ya Tiriso ya ka Bofefo.
5. Fitlha ditlhopha le ditaelo.
Tlhatlhobo 1, potso 1
Fa o tobetsa konopo e mo go Word 2007, go diragala eng?
(Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. O fitlha Ribone ka nakwana gore o nne le sebaka se se
oketsegileng sa tokumente ya gago.
2. O dirisa fonto e kgolo thata mo mafokong a gago.
3. O bona diitlhophelo tse dingwe gape.
4. O tsenya taelo mo Baradidirisiweng ya Tiriso ya ka Bofefo.
Tlhatlhobo 1, potso 1: Karabo
O bona diitlhophelwa tse dingwe gape.
Gantsi go tla bonala lebokoso la puisano, mme le ka nna la lebega e le
e e tshwanang le la mefuta ya pele ya Word.
Tlhatlhobo 1, potso 2
Baradidirisiwa ya Tiriso ya ka Bofefo e fa kae gape o ka e
dirisa leng? (Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. E mo sekhutlong sa sekerine se se kwa godimo ka fa molemeng,
mme o tshwanetse go e dirisa mo ditaelong tse o di ratang.
2. E kokobala mo godimo ga mafoko a gago, mme o tshwanetse go
e dirisa fa o tlhoka go dirisa diphetogo tsa go fometa.
3. E mo sekhutlong se se kwa godimo ka fa molemeng mo
sekerineng, mme o tshwanetse go e dirisa fa o tlhoka go bula
tokumente ka bofefo.
4. E mo thebong ya Gae, mme o tshwanetse go e dirisa fa o tlhoka
go simolodisa ka bofefo kgotsa go simolola tokumente e ntšhwa.
Tlhatlhobo 1, potso 2: Karabo
E mo sekhutlong sa sekerine se se kwa godimo ka fa molemeng, mme o
tshwanetse go e dirisa mo ditaelong tse o di ratang.
Ke baradidirisiwa e nnye e e nang le konopo ya Boloka, Dirolola, le
Boeletsa. O ka nna wa tsenya ditaelo tsa gago tse o di ratang ka go
tobetsa taelo le go tlhopha Tsenya mo Baradidirisiweng ya Tiriso ya
ka Bofefo.
Tlhatlhobo 1, potso 3
Baradidirisiwa e Nnye e tla bonala fa o dirisa eng sa tse di
latelang? (Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. Tobetsa gabedi mo thebong e e butsweng mo Riboneng.
2. Tlhopha mafoko.
3. Tlhopha mafoko o bo o a supa.
4. Nngwe fela ya tse di fa godimo.
Tlhatlhobo 1, potso 3: Karabo
Tlhopha mafoko o bo o a supa.
E tla bonala gape fa o tobetsa mafoko a a tlhophilweng gabedi ka fa
mojeng.
Thuto 2
Bona ditaelo tsa letsatsi le letsatsi
Bona ditaelo tsa letsatsi le letsatsi
Word 2007 e ntšhwa,
mme ke se se
kgatlhisang. Mme go na
le dilo tse o
tshwanetseng go di dira.
Jalo jaanong ke nako ya
go batla fa ditaelo tse di
dirisiwang gantsi ka
tlwaelo di leng teng tota.
Ka sekai, o tlhamela tokumente fa kae? Marungwana,
ditaele, le setlhatlhoba mopeleto di fa kae? Go tweng
ka go gatisa?
Thuto e e tla bontsha gore tebego ya porokeramo e
ntšhwa e baya ditaelo tseo fa o di tlhokang teng tota.
Simolola Konopo ya Microsoft Office
Gae
E Ntšhwa
Ditokumente tsa Bošweng
Bula
Phasalatsa
Tswala
Diitlhophelwa tsa Word
Tswaya mo Word
Jaanong Konopo ya Microsoft Office
tshwanetseng go simolola teng mo Word.
ke fa o
Fa o e tobetsa, go bonala menu o o o dirisang go
tlhama, go bula, kgotsa go boloka tokumente.
Go tweng ka ditaele?
Ditaele
A o na le kgatlhego mo
tirisong e e maatla thata
le e e botswerere ya go
fometa go na le ditaelo
tsa bontsho le
ditlhakatshekamo?
O tla tshwanela go itse
ka ga ditaele mo Word e
ntšhwa.
O ka tlhopha Setaele sa Potlako se se diretsweng ruri
kgotsa wa dirisa setaele se o se dirileng pele.
Go tweng ka ditaele?
O dirisa ditaele mo
thebong ya Gae, mo
setlhopheng sa
Ditaele.
Ditaele
Setshwantsho se
bontsha gore o ka
bona jang ditaele tse o
di batlang.
1
Ditaele tsa potlako di diretswe ruri, ditaele tse di lebegang e le tsa boitseanape
tse di dirisiwang ka potlako le bonolo. Mme di lebega ka tsela e ntšhwa mo
mofuteng o wa Word.
2
Tobetsa konopo e go bona Ditaele tsa Potlako di le mmalwa tse di siametseng
go dirisiwa.
3
Tobetsa Sesimolodi sa Lebokoso la Puisano go bula lebokoswana la Ditaele.
Sepenta Fomete
Taelo e nngwe ya go
fometa ya potlako ke
Sepenta Fomete.
Gae
Peelodimam
aretswa
Fonto
Temana
Fa e le gore ga o a tlwaelana le Sepenta Fomete, ke
tsela e e bofefo ya go boeletsa go fometa go tswa
kgaolong e nngwe go ya go e nngwe.
Go dirisa Sepenta Fomete, baya khesara mo mafokong
a o batlang go kopisa fomete ya one o bo o tobetsa
konopo ya Sepenta Fomete.
E ka fa molemeng
thata wa thebo ya
Gae, mo setlhopheng
sa
Peelodimamaretswa.
Selaolabogolo
Fa o sena go tsenya
sengwe, o ka nna wa
leba dintlha ka
kelotlhoko.
Jalo e le ruri o tla batla
go itse gore o bone fa
kae taolo ya bogolo.
Leba mo sekhutlong se se kwa tlase ka fa mojeng.
Gogela selaolaboleng ka fa mojeng go godisa, o bo o se
gogela ka fa molemeng go ngotla.
A o siametse go gatisa
Boalo jwa Tsebe
Intente
O siametse go gatisaa mme tota go ntse
jalo?
Santlha go botlhale go
tlhatlhoba ka fa
ditsebe tsa gago di
rulaganyeditsweng
segatisi ka gone.
Sengwe le sengwe se o se batlang mo thebong ya
Boalo jwa Tsebe.
Setlhopha sa Thulagano ya Tsebe se na le Bogolo
(8.5 x 11, A4, jalo le jalo), Kemotsebe (Boemophara le
kemotsepamo), le Melelwane.
Ee, o siametse go gatisa
Gae
E Ntšhwa
Bula
Boloka
Boloka E le...
Lebapele o bo o gatisa tokumente
Gatisa
Tlhopha segatisi, palo ya dikhopi, le diitlhophelwa
tse dingwe tsa go gatisa pele ga o gatisa.
Fa o setse o siame
tota go gatisa, boela
morago kwa go
Konopo ya Microsoft
Office.
Kgatiso ka Bofefo
Romela tokumente ka tlhamalalo kwa
segatising se se rulaganyeditsweng ruri
o sa dire diphetolo.
Tebopele ya Kgatiso
Lebapele o bo o dire diphetolo mo
ditsebeng pele ga o gatisa
Gatisa
Nna o gopotse gore o na le diitlhophelwa:
1
Fa o tobetsa taelo ya Gatisa, o tla bona lebokoso la
puisano la Gatisa. Jaanong supa motsu ka fa mojeng
wa taelo ya Gatisa go na le, mme o tla bona ditaelo tse
dingwe tse tharo.
Ee, o siametse go gatisa
Gae
E Ntšhwa
Bula
Boloka
Boloka E le...
Lebapele o bo o gatisa tokumente
Gatisa
Tlhopha segatisi, palo ya dikhopi, le diitlhophelwa
tse dingwe tsa go gatisa pele ga o gatisa.
Kgatiso ka Bofefo
Romela tokumente ka tlhamalalo kwa
segatising se se rulaganyeditsweng ruri o sa
dire diphetolo.
Tebopele ya Kgatiso
Lebapele o bo o dire diphetolo mo
ditsebeng pele ga o gatisa
Gatisa
Nna o gopotse gore o na le diitlhophelwa:
2
Gatisa
3
Kgatiso ka Bofefo
4
Tebopele ya Kgatiso
Fa o setse o siame
tota go gatisa, boela
morago kwa go
Konopo ya Microsoft
Office.
Tse di sa bonweng
Dipopego tsotlhe tse o
di dirisang tsatsi le
letsatsi mo go Word di
mo Riboneng e bile di
bonolo go bonwa.
Gae
E Ntšhwa
Ditokumente tsa Bošweng
Bula
Phasalatsa
Tswala
Diitlhophelwa tsa Word
Tswaya mo Word
Jalo dithulaganyo tse di sa bonweng tse e seng ka ga go
dira ditokumente di fa kae, mme e le tse di laolang ka fa
Word e dirang ka teng?
Tse di sa bonweng
O laola jang ka fa
Word e Dirang ka
teng?
Gae
E Ntšhwa
Ditokumente tsa Bošweng
Bula
Phasalatsa
Tswala
Diitlhophelwa tsa Word
Tswaya mo Word
Dithulaganyo tseno tsotlhe ke karolo ya Diitlhophelwa
tsa Word, tse o di bonang fa o tobetsa konopo ya
Diitlhophelwa tsa Word .
Di mo menung o o bulang fa o tobetsa Konopo ya
Microsoft Office.
Dikakantsho tsa go ikatisa
1. Tsenya lenaane la marungwana.
2. Dirisa Ditaele tsa ka Potlako, o bo o katoga go bona diphetolo tsotlhe.
3. Fetola sete ya Setaele sa ka Potlako.
4. Dirisa Sepenta Fomete.
5. Dira diphetolo ka kakaretso ka thebo ya Boalo jwa Tsebe. Jaanong leka
dithebo tse dingwe.
6. Gatisa ka ditsela tsa mefuta yotlhe.
Tlhatlhobo 2, potso 1
O ka dirisa lenaane la marungwana o dirisa ditaelo tse di mo
setlhopheng sefe mo thebong efe? (Tlhopha karabo e le
nngwe.)
1. Mo setlhopheng sa Temana mo thebong ya Boalo jwa
Tsebe.
2. Mo setlhopheng sa Temana mo thebong ya Gae.
3. Mo setlhopheng sa Matshwao mo thebong ya Tsenya.
4. Mo setlhopheng sa Mafoko mo thebong ya Tsenya.
Tlhatlhobo 2, potso 1: Karabo
Mo setlhopheng sa Temana mo thebong ya Gae.
Fa ke fa o dirisang manaane a a marungwana gone. Ntlha: Gape o ka
dirisa manaane a marungwana ka go dirisa baradidiriswa e Nnye.
Dira ka tsela e e tshwanetseng
Tlhatlhobo 2, potso 2
O tlhopha jang diitlhophelwa tsa go gatisa mo mofuteng o
montšhwa wa Word? (Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. Tobetsa konopo ya Gatisa mo Riboneng .
2. Tobetsa konopo ya Gatisa mo go Baradidirisiwa ya Tiriso ka
Potlako.
3. Dirisa Konopo ya Microsoft Office.
4. Seitlhophelwa sa ntlha kgotsa sa bobedi se se fa godimo.
Tlhatlhobo 2, potso 2: Karabo
Dirisa Konopo ya Microsoft Office.
Fa ke fa o bulang Tebopele ya Kgatiso gone gape.
Tlhatlhobo 2, potso 3
Ke sekhutlo sefe se se nang le taolo ya bogolo? (Tlhopha
karabo e le nngwe.)
1. Mojeng kwa Godimo.
2. Molema kwa Godimo.
3. Molema kwa Tlase.
4. Moja kwa Tlase.
Dira ka tshwanelo
Tlhatlhobo 2, potso 3: Karabo
Moja kwa Tlase.
Mo sekhutlong se se ka fa mojeng kwa godimo ke taolo e o e dirisang
go godisa le go ngotla. Gape o ka dirisa menu wa Tebego go bona
ditaolo tsa bogolo.
Thuto 3
Manaane a a bonolo
Manaane a a bonolo
•
•
•
•
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
1.
2.
3.
4.
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
• Mercury
• Venus
• Lefatshe
• Ngwedi
• Mars
• Phobos
• Deimos
Manaane ke karolo e
e nang le mosola ya
tokumente nngwe le
nngwe, o ka tswa o
sobokanya
tshedimosetso kgotsa
o dira gore go nne
bonolo go e
tlhaloganya.
Manaane a dinomoro a botlhokwa go bontsha tlhatlhamano ya
tshedimosetso. Fa e le gore ga o re sepe ka tlhatlhamano, lenaane la
marungwana e ka nna lone le le botoka.
Manaane e ka nna a mola-mongwe, o dintlha tsotlhe tsa one di leng mo
seemong se se tshwanang le go intentiwa; kgotsa e ka nna ya
melamentsi, se se rayang gore go nna le lenaane mo lenaaneng.
Tlhama manaane fa o ntse o tlanya
Sebaka
•
•
•
•
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
Paka
1.
2.
3.
4.
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
Paka
A
a.
b.
c.
d.
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
Go na le tsela e le
nngwe ya go simolola
lenaane, mme nngwe
ya tse di tlwaelegileng
ke go tlhama lenaane
ka go itirisa fa o ntse o
tlanya.
Fa e le gore o batla lenaane la marungwana, tlanya fela naletsana
(*) e latelwa ke sebaka. Naletsana e fetoga lerungwana, mme o bo
o simolola lenaane la gago.
Fa o sena go fetsa go tlanya ntlha ya ntlha mo lenaaneng la gago,
tobetsa ENTER, mme lerungwana le le ntšhwa le tlhaga mo
moleng o o latelang.
Tlhama manaane fa o ntse o tlanya
Sebaka
•
•
•
•
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
Paka
1.
2.
3.
4.
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
Paka
A
a.
b.
c.
d.
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
Gore o tlhame manaane a dinomoro ka go itirisa,
tlanya nomoro ya nngwe le khutlo (1.), e latelwa ke
sebaka.
Se se ntšhwa mo Word 2007; mo mefuteng ya pele, o
ne o tshwanela go tobetsa ENTER pele ga lenaane le
simolola.
Go na le tsela e le
nngwe ya go simolola
lenaane, mme nngwe
ya tse di tlwaelegileng
ke go tlhama lenaane
ka go itirisa fa o ntse o
tlanya.
Tlhama manaane fa o ntse o tlanya
Sebaka
•
•
•
•
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
Paka
1.
2.
3.
4.
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
Paka
A
a.
b.
c.
d.
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
Ka gonne manaane a ditlhaka e le mofuta o mongwe
fela wa manaane a dinomoro, tlanya tlhaka e le khutlo
(a.), e latelwa ke sebaka, go simolola lenaane la
ditlhaka.
Go na le tsela e le
nngwe ya go simolola
lenaane, mme nngwe
ya tse di tlwaelegileng
ke go tlhama lenaane
ka go itirisa fa o ntse o
tlanya.
Manaane a go emisa
•
•
•
•
•
•
•
•
•
•
•
•
•
•
•
•
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
Jupiter
Saturn
Uranus
Neptune
Enter
O tsentse ntlha ya bofelo
mo lenaaneg la gago.
Jaanong o fetsa jang
lenaane le go emisa
marungwana kgotsa
dinomoro gore di seka tsa
tlhaga?
Mercury
Venus
Lefatshe
Mars
Jupiter
Saturn
Uranus
Neptune
Backspace
Setshwantsho se bontsha
ditsela tse di siameng thata
tsa go dira jalo.
Tsela e e bonolo thata ya go emisa go dira lenaane ke go tobetsa ENTER
gabedi, jaaka go bontshitswe ka fa molemeng.
Fa e le gore o batla sengwe se se farologaneng go sekae, ka sekai,
mafoko a a intentilweng a le mo seemong se se tshwanang le mafoko
kgotsa lerungwana le le fa godimo ga one, dirisa taetsi ya BACKSPACE.
Go dirisa ditemana mo manaaneng; go kgomaretsa manaane
Ditemana
tse e seng
manaane
Go na le ditsela di le mmalwa tsa go dira se; se o se
tlhophang se ikaegile ka seemo sa tokumente ya gago
le se o se batlang.
A re re o tlhama
lenaane la dinomoro
kgotsa la marungwana
mme o batla gore
dintlha dingwe tsa
lenaane di akaretse
ditemananyana, jaaka
go bontshitswe mo
setshwantshong se.
Go dirisa ditemana mo manaaneng; go kgomaretsa manaane
Ditemana
tse e seng
manaane
A re re o tlhama
lenaane la dinomoro
kgotsa la marungwana
mme o batla gore
dintlha dingwe tsa
lenaane di akaretse
ditemananyana, jaaka
go bontshitswe mo
setshwantshong se.
• O ka tlhama ditemanapotlana mo lenaaneng ka go
tobetsa SHIFT+ENTER, go na le ENTER fela, go fetsa
boloko bongwe le bongwe jwa e e latelang.
• Gore o tsweledise lenaane morago ga ditemanapotlana, tlanya nomoro e e
latelang e latelwa ke khutlo; lenaane le tla tswelela ka go itirisa.
Marungwana kgotsa dinomoro?
Gae
Temana
Fonto
• Mercury
• Venus
|
Tobetsa golo gongwe fela mo lenaaneng, o bo o tobetsa
konopo ya Marungwana
kgotsa Dinomoro
mo
Riboneng.
O tsere mofuta o o sa siamang
wa lenaane? O simolotse ka
marungwana mme jaanong o
akanya gore dinomoro ke tsone
tse di botoka, kgotsa ka
dinomoro jaanong o akanya
gore go botoka marungwana?
O se ka wa tshwenyega, go
bonolo go tswa go e nngwe go
ya go e nngwe.
Marungwana kgotsa dinomoro?
Gape o ka dirisa
dikonopo tse go
simolola manaane a
mašwa.
Gae
Temana
Fonto
• Mercury
• Venus
Tobetsa konopo o bo o simolole go tlanya go dira ntlha
ya lenaane la gago la ntlha kgotsa tlhopha mafoko a o
setseng o a tlantse o bo o tobetsa konopo ya
Marungwana kgotsa Dinomoro go fetolela temana
nngwe le nngwe go nna ntlha ya lenaane.
Tlhatlhobo 3, potso 1
Lenaane la mola-mongwe ke eng?
1. Lenaane le le senang manaanepotlana mo ntlhaneng epe e le
nngwe.
2. Lenaane la lerungwana lengwe le lengwe kgotsa nomoro tse
di intentilweng ka go tshwana.
3. Lenaane la ntlha e le nngwe fela.
4. Lenaane le le dirisang dinomoro fela, e seng marungwana.
Tlhatlhobo 3, potso 1: Karabo
Lenaane le le senang manaanepotlana mo ntlheng epe e le nngwe.
Lenaane la mola-mongwe ga le na manaane mo manaaneng!
Tlhatlhobo 3, potso 2
Ke eng se o tshwanetseng go se tlanya gore o tlhame lenaane
la marungwana ka go itirisa le le dirisang lerontho le le ntsho
e le mofuta wa lenaane? (Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. 1. le sebaka
2. @ le sebaka
3. a. le sebaka
4. * le sebaka
Tlhatlhobo 3, potso 2: Karabo
* le sebaka.
Tlanya naletsana e latelwa ke sebaka, mme o tla bo o dule mo
marungwaneng.
Tlhatlhobo 3, potso 3
O tshwanetse go rulaganya temana e ntšhwa jang gore
mafoko a intentiwe sekgala se se lekanang le mafoko a mo
ntlheng ya lenaane la marungwana le le fa godimo? (Tlhopha
karabo e le nngwe.)
1. Fetsa lenaane, o bo o dirisa diintente mo rulareng go
rulaganya fa temana e ntšhwa e simologang teng.
2. Tsenya ntlha e ntšhwa ya lenane, o bo o tobetsa BACKSPACE
go tlosa lerungwana.
3. Tsenya ntlha e ntšhwa ya lenaane, o bo o tobetsa
BACKSPACE gabedi.
4. Tsenya ntlha e ntšhwa ya lenaane, o bo o tobetsa ENTER
gape.
Tlhatlhobo 3, potso 3: Karabo
Tsenya ntlha e ntšhwa ya lenaane, o bo o tobetsa BACKSPACE go
tlosa lerungwana.
E ke tsela e e bonolo thata ya go dira temana e e intentilweng.
Thuto 4
Go tsenya legora, go fifatsa,
kgotsa sefeleletsi se se tlatsang
Go tsenya legora, go fifatsa, kgotsa sefeleletsi se se tlatsang
Magora, go fifatsa, le difeleletsi tse di
tlatsang tsa go kgabisa ga se tsa
makwalodikgang a malatsi a boikhutso
fela. Word e na le setlhopha sa
diitlhophelwa tsa go foreima le go
totobatsa mafoko, manaanethalo le disele
tsa manaanethalo, ditshwantshokaedi, le
ditsebe ka botlalo.
Legora le le kgabisang la
tsebe le
setshwantshokaedi la
setlatsi sa
koketsegommala
Thuto e e simolola diitlhophelwa tse di
diretsweng ruri tse le tse di
tshwanedisitsweng le go go bontsha
metheo ya tsela ya go di tsenya mo
tokumenteng ya gago.
Magora a tsebe
O ka tsenya magora a a tletseng
kgotsa karolo ya one mo karolong
nngwe fela ya tsebe nngwe fela ya
tokumente. Word e na le magora a
tsebe a a farologaneng a a
agetsweng mo teng, go simolola ka
a sekakgwebo go ya go a go
kgabisa.
Tokumente e e nang le
legora la tsebe ya
setshwantshokaedi
Magora a tsebe
Boalo jwa Tsebe
Magora le go Fifatsa
Magora
Thulaganyo
Magora a Tsebe
Setaele
Go Fifatsa
O ka tlhopha:
Tebopele
Mmala
Bophara
Dirisa mo go
Setshwantshana
Diitlhophelwa
OK
Khansela
• Mofuta wa legora ka kakaretso, go tswa go lebokoso le le bonolo go ya go 3-D
e e nang le moriti go ya go setaele se se tshwanedisitsweng sa tlhamo ya gago.
• Setaele sa mola, mmala, le bokima.
• Setaele sa botswerere, se se ka kgatlhang fa tokumente ya gago e se ya
semolao kgotsa e e golagantsweng le moletlo o o kgethegileng, tiragalo kgotsa
letsatsi la boikhutso.
Magora le go fifatsa mafoko
Boalo jwa Tsebe
Magora le go Fifatsa
Magora
Thulaganyo
Magora a Tsebe
Setaele
Go Fifatsa
Tebopele
Mmala
Bophara
Dirisa mo go
Setshwantshana
Diitlhophelwa
OK
O ka tsenya magora
le go fifatsa mo
karolong e kgolo ya
mafoko ka tsela e e
botlhale kgotsa
ditshwantshokaedi
go a farologanya.
Khansela
Lebokoso la puisano la Magora le go Fifatsa le lone le ka
fitlhelelwa ka konopo e e mo setlhopheng sa Temana mo
thebong ya Gae
Tlhatlhobo 4, potso 1
Tsela e e bonolo thata ya go tsenya legora mo tsebeng ke
efe? (Tlhopha karabo e le nngwe.)
1. Thala lebokoso go dikologa tsebe.
2. Tobetsa konopo ya Magora a Tsebe mo setlhopheng sa
Lemorago la Tsebe mo thebong ya Boalo jwa Tsebe
3. Thala lenaneothalo go dikologa tsebe
Tlhatlhobo 4, potso 1: Karabo
Tobetsa konopo ya Magora a Tsebe mo setlhopheng sa Lemorago
la Tsebe mo thebong ya Boalo jwa Tsebe
Gape o ka tlhopha konopo ya Magora mo setlhopheng sa Temana mo
thebong ya Gae
Tlhatlhobo 4, potso 2
O ka dirisang jaaka legora la tsebe? (Tlhopha karabo e le
nngwe.)
1. Mefuta e e farologaneng ya legora, e e tshwanang le ya
Melobotharo le e e nang le moriti.
2. Ditaele tsa mela e e tshwanedisitsweng, mmala, le bokima.
3. Magora a ditshwantshokaedi.
4. Tsotlhe tse di fa godimo.
Tlhatlhobo 4, potso 2: Karabo
Tsotlhe tse di fa godimo.
O ka tlhoma mefuta e e farologaneng ya magora, ditaele tsa mela,
mmala, le bokima. Gape o ka tlhoma legora la setshwantshokaedi la
mekete e e kgethegileng kgotsa ditiragalo.
Fly UP